tn_2sa_text_reg/13/15.txt

1 line
483 B
Plaintext

\v 15 \v 16 \v 17 Foo Amonone a ila Tamare ka kilo e e tseneletseng. O ne a mo ila go feta jaaka a ne a mo eletsa. Amonone a mo raya a re, ''Ema ka dinao o tsamae.'' Mme a mo tsibogela, ''Nnyaa! Gonne bosula jo bogolo jo jwa go ntira gore ke tsamae bo maswe thata go feta se o se ntirileng!'' Mme Amonone a se ka a mo reetsa. Boemong jwa moo, a bitsa motlhanka wa gagwe yo o mo tlhokomelang mme a re, ''Tsaya mosadi yo o mo ntshe fa go nna, mme o lotlele lebati fa morago ga gagwe.''