tn_2sa_text_reg/18/24.txt

1 line
415 B
Plaintext

\v 24 Jaanong Dafite o ne a ntse fa gare ga kgoro e e kwa ntle le e e ka kwa teng. Molebeledi o ne a ile kwa godimo ga borulelo jwa kgoro e e tsenang mo leboteng, mme a tsholetsa matlho a gagwe. Ya re a leba, a bona monna a atamela, a taboga a le nosi. \v 25 Molebeledi a goa mme a bolelela kgosi. Foo kgosi a bua a re, ''Fa e le gore o nosi, go na le dikgang mo molomong wa gagwe.'' Motabogi a atamela toropokgolo.