tn_2sa_text_reg/17/27.txt

1 line
542 B
Plaintext

\v 27 \v 28 \v 29 Go ne ga diragala fa Tafita a sena go goroga kwa Mahanaimi, gore Shobi morwa Nahashe go tswa kwa Raba wa Baamone, le Machiri morwa Amiele go tswa kwa Lo Diba, le Barasilai wa Mogiliate go tswa kwa Rogelimi, ba tsisa diphate tse di alwang go robalwa le dikobo, dibeisane le dipitsa, le korong, le boupe jwa bali, mabele a a besitsweng, dinawa, tswine, botoro, dinku, le mashi a a remileng, gore Tafita le batho ba a nang le bone ba je. Banna ba ba re, ''Batho ba tshwerwe ke tlala, ba lapile e bile ba nyorilwe mo sekakeng.''