tn_2sa_text_reg/12/04.txt

1 line
612 B
Plaintext

\v 4 Letsatsi lengwe moeng a tla kwa monneng wa mohumi, mme monna wa mohumi o ne a sa ikemisetsa go ntsha seruiwa mo letsomaneng kgotsa mo matlhapeng go direla moeng dijo. Boemong jwa moo a tsaya konyana e namagadi ya monna wa mohumanegi a e tlhaba a e apeela moeng wa gagwe.'' \v 5 Tafita a tukela monna wa mohumi ka bogale, mme a bua le Nathane ka bogale a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, monna yo o dirileng se o tshwanetswe ke go swa. \v 6 O tshwanetse go duelela konyana go menaganye gane ka gonne o dirile selo se se ntseng jaana, gape le ka gonne o ne a sena bopelotlhomogi mo monneng wa mohumanegi.''