tn_2sa_text_reg/20/14.txt

1 line
540 B
Plaintext

\v 14 Sheba a feta ka merafe yotlhe ya Iseraele go ya kwa Abele wa Bethe Maakha, le go ralala lefatshe lotlhe la Baberi, ba ba neng ba kgobokana, mme le bone ba alola Sheba. \v 15 Ba ne ba mo atamela mme ba mo dikaganyetsa kwa Abele wa Bethe Maakha. Ba ne ba aga serepodi kgatlhanong le toropokgolo, ba se tshegetsa ka lebota. Sesole sotlhe se se neng se na le Joabe ba itaya lebota go le digela fa fatshe. \v 16 Foo mosadi yo o botlhale a goa go tswa mo toropokgolong, ''Reetsa, tsweetswee reetsa, Joabe! Nkatamele ke tle ke bue le wena.''