tn_2sa_text_reg/24/05.txt

1 line
451 B
Plaintext

\v 5 Ba kgabaganya Jorotane mme ba kampa gaufi le Aroere, kwa borwa jwa toropokgolo e e mo mokgatsheng. Foo ba tsamaela pele ba ralala Gate ba ya kwa Jasere. \v 6 Ba tla kwa Gileate le kwa lefatsheng la Tahetimi Hoteshi, ba tswelela go ya kwa Dene Jaane, ba bo ba dikologa go ya ntlheng ya Sitone. \v 7 Ba goroga kwa boremelelong jwa Tire le kwa ditoropokgolong tsotlhe tsa Bahifi le Bakanana. Foo ba tswela kwa ntle kwa Negefi mo Juta kwa Beeresheba.