tn_2sa_text_reg/02/22.txt

1 line
539 B
Plaintext

\v 22 Jalo Abonere a raya Asahele gape a re, ''Emisa go nkalola! Ke eng ke tshwanetse go go iteela fa fatshe? Ke tla kgona jang go leba morwarraago Joabe mo sefatlhegong?'' \v 23 Mme Asahele a gana go fapogela kwa thoko, mme jalo Abonere a mo tlhaba mo mmeleng ka bontlha jwa segai jo bo sa loodiwang, mo segai se neng sa phololela sa bo sa tswaela ka kwa ntlheng e nngwe. Asahele a wela fa fatshe mme a swela foo. Jalo go ne ga diragala gore ope yo o neng a goroga fa Asahele a neng a wela a bo a swela teng, o ne a ema a sa tshikhinyege.