tn_2sa_text_reg/10/13.txt

1 line
329 B
Plaintext

\v 13 Jalo Joabe le masole a sesole sa gagwe ba gatela pele go lwantsha Baaramo, ba ba neng ba patelesega go sia fa pele ga sesole sa Iseraele. \v 14 Fa sesole sa Amone se bona gore Baaramo ba siile, le bone ba tshaba Abishai mme ba boela mo toropokgolong. Foo Joabe a boa go tswa kwa bathong ba Amone mme a boela kwa Jerusalema.