tn_2sa_text_reg/15/01.txt

1 line
496 B
Plaintext

\c 15 \v 1 Go ne ga diragala morago ga se gore Abosalomo a ipaakanyetse kolotsana ya ntwa le dipitse, ka banna ba le masome a matlhano ba mo patile. \v 2 Abosalomo o ne a tsoga makuku mme a bo a ema fa thoko ga tsela e e yang kwa kgorong ya toropokgolo. Fa motho ope a na le kgang go e tsisa fa pele ga kgosi go atlholwa, foo Abosalomo o ne a mmitsa mme a bo a re, ''O tswa kwa toropokgolong efe?'' Mme motho o tla bo a araba a re, ''Motlhanka wa gago o tswa kwa mongweng wa merafe ya Iseraele.''