tn_2sa_text_reg/03/37.txt

1 line
495 B
Plaintext

\v 37 Jalo batho botlhe le Iseraele yotlhe ba ne ba tlhaloganya letsatsi leo gore e ne e se keletso ya kgosi go bolaya Abonere morwa Nere. \v 38 Kgosi a raya batlhanka ba gagwe a re, ''A ga le itse gore kgosana e e leng monna yo o tlotlegang o sule mo Iseraele letsatsi leno? \v 39 Mme ke bokoa letsatsi leno, ntswa ke le kgosi e e tloditsweng. Banna ba, barwa Seruia, ba makgwakgwa thata mo go nna. A Modimo Yahweh a duele modirabosula ka go mo otlhaela boikepo jwa gagwe, jaaka a tshwanelwa.''