tn_2sa_text_reg/20/03.txt

1 line
396 B
Plaintext

\v 3 Fa Tafita a goroga kwa ntlong ya gagwe ya bogosi kwa Jerusalema, a tsaya basadi ba gagwe ba makgoba ba ba lesome ba a neng a ba tlogetse go tlhokomela ntlo ya bogosi, mme a ba baya ba disitswe mo ntlong. O ne a ba neela tse ba di tlhokang, mme ga a a ka a robalana le bone gape. Jalo ba ne ba tswalelelwa jalo go fitlhelela matsatsi a dintsho tsa bone, ba tshela jaaka ekete ke batlholagadi.