tn_2sa_text_reg/24/24.txt

1 line
490 B
Plaintext

\v 24 \v 25 Kgosi a raya Arauna a re, ''Nnyaa, ke batla go se reka ka tlhwatlhwa. Ga ke na go ntshetsa Modimo Yahweh moeelo o o fisiwang ka sepe se se sa ntopang tlhwatlhwa.'' Jalo Tafita a reka seboana se se phothelang le dipholo ka selefera ya dishekele tse di masome a matlhano. Tafita a agela Modimo Yahweh aletara foo, mme a neela mo go yone meneelo e e fisiwang le meneelo ya botsalano. Jalo ba kopela lefatshe mo go Modimo Yahweh, mme a dira gore leroborobo le eme mo Iseraele otlhe.