tn_2sa_text_reg/14/12.txt

1 line
592 B
Plaintext

\v 12 \v 13 \v 14 Foo mosadi a re, ''Tsweetswee letlelela motlhanka wa gago go bua lefoko gape le mong wa me kgosi.'' A re, ''Tswelela o bue.'' Jalo mosadi a re, ''Ke ene jaanong o logile selo se se ntseng jaana kgatlhanong le batho ba Modimo? Gonne mo go bueng ka selo se, kgosi o tshwana le motho yo o molato, ka gore kgosi ga a a busetsa gae morwawe yo o kobilweng. Gonne rotlhe re tshwanetse go swa, re tshwana le metsi a tshololetswe fa fatshe, a a se kakeng a selwa gape. Me Mdimo ga a ka ke a tlosa botshelo; boemong jwa moo, o batla tsela ya gore ba ba neng ba kobilwe ba buselediwe.