tn_2sa_text_reg/17/01.txt

1 line
565 B
Plaintext

\c 17 \v 1 Foo Ahithofele a raya Abosalomo a re, ''Jaanong mma ke tlhophe banna ba le dikete tse di lesome le bobedi, mme ke eme ka dinao ke alole Dafite bosigo jo. \v 2 Ke tla mo wela a santse a lapile ebile a le bokoa mme ke tla mo tshoganyetsa ka poifo. Batho ba a nang le bone ba tla sia, mme ke tla tlhasela kgosi fela. \v 3 Ke tla busetsa batho botlhe kwa go wena, jaaka monyadiwa a tla kwa monneng wa gagwe, mme batho botlhe ba tla nna mo kagisong ka fa tlase ga gago.'' \v 4 Se Ahithofele a se buileng sa itumedisa Abosalomo le bagolwane botlhe ba Iseraele.