tn_2sa_text_reg/13/34.txt

1 line
488 B
Plaintext

\v 34 \v 35 \v 36 Abosalomo a sia. Motlhanka yo o neng a lebile a tsholetsa matlho a gagwe mme a bona batho ba le bantsi ba tla mo tseleng mo thoko ga thaba kwa bophirimatsatsi jwa gagwe. Foo Jehonatabe a raya kgosi a re, ''Bona, barwa ba kgosi ba etla. Go ntse fela jaaka motlhanka wa gago a buile.'' Jalo ga diragala gore e re fela fa a fetsa go bua barwa ba kgosi ba goroge, mme ba tsholetsa mantwe a bone ba lela. Mme kgosi la batlhanka ba gagwe botlhe le bone ba lela mo go botlhoko.