tn_2sa_text_reg/13/10.txt

1 line
495 B
Plaintext

\v 10 \v 11 \v 12 Jalo Amonone a raya Tamare a re, ''Tsisa dijo kwa ntlwaneng ya me gore ke je mo seatleng sa gago.'' Jalo Tamare a tsaya borotho jo a bo besitseng, mme a bo tsisa mo ntlwaneng ya ga kgaitsadie Amonone. Fa a sena go tsisa dijo kwa go ene, a mo tshwara mme a mo raya a re, ''Tla, robalana le nna, kgaitsadiaka.'' A mo araba, ''Nyaa, kgaitsadiaka, o se ka wa mpatika, gonne selo se se ntseng jaana ga se a tshwanela go dirwa mo Iseraele. O se ka wa dira selo se se gakgamatsang se!