tn_2sa_text_reg/14/04.txt

1 line
394 B
Plaintext

\v 4 \v 5 \v 6 Fa mosadi yo otswang kwa Tekoa a bua le kgosi, a ribama ka sefatlhego se le fa fatshe mme a re, ''Nthuse kgosi.'' Kgosi a re, ''Molato ke eng?'' A araba, ''Boammaaruri ke gore kemotlholagadi, monna wa me o sule. Nna, motlhanka wa gago, ke ne ke na le barwa ba babedi, mme ba ne ba lwa kwa tshimong, mme ga bo go sena ope yo o ba tshereganyang. Mongwe a itaya yo mongwe a mmolaya.