tn_2sa_text_reg/07/24.txt

1 line
485 B
Plaintext

\v 24 O tlhomamisitse Iseraele go nna batho ba gago ka bosakhutleng, mme wena, Modimo Yahweh, wa nna Modimo wa bone. \v 25 Jaanong, Modimo Yahweh, a tsholofetso e o e dirileng mabapi le motlhanka wa gago le ba lelapa la gagwe e tlhomamisiwe ka bosakhutleng. Dira jaaka o buile. \v 26 A leina la gago le nne legolo ka bosakhutleng, gore batho ba tle ba re, 'Modimo Yahweh wa masomosomo ke Modimo wa Iseraele,' fa ka ntlheng e nngwe, ntlo ya me, Tafita, e tlhomamisitswe fa pele ga gago.