tn_2sa_text_reg/23/18.txt

1 line
440 B
Plaintext

\v 18 \v 19 Abishai, morwarra Joabe morwa Seruia, o ne a le moeteledipele wa ba bararo. Ka nako nngwe o kile a lwa ka segai sa gagwe kgatlhanong le banna ba le makgolo mararo mme a ba bolaya. Bontsi jwa nako o ne a umakiwa mmogo le masole mararo. A o ne a sa tuma thata go feta ba bararo? O ne a dirwa moeteledipele wa bone. Le fa go ntse jalo, go tuma ga gagwe go ne go sa lekane go tuma ga masole a mararo a a neng a tumile mo go gaisang.