tn_2sa_text_reg/14/25.txt

1 line
557 B
Plaintext

\v 25 Jaanong mo Iseraele otlhe go ne go sena ope yo o bokiwang ka bontle jwa gagwe jaaka Abosalomo. Go tswa bogatong jwa lenao la gagwe go fitlha kwa godimo ga tlhogo ya gagwe go ne go sena selabe sepe. \v 26 Fa a kgaola moriri wa tlhogo ya gagwe kwa bofelong jwa ngwaga nngwe le nngwe, ka lebaka la gore o ne o le bokete mo go ene, o ne a o kala; o ne o nna bokete jwa dishekele di le makgolo a mabedi, jo bo lekanngwang ka seelo sa kgosi. \v 27 Abosalomo a tsholelwa barwa ba bararo le mosetsana yo o neng a bidiwa Tamare. Tamare o ne a mosadi yo montle.