tn_2sa_text_reg/24/15.txt

1 line
536 B
Plaintext

\v 15 Jalo Modimo Yahweh a romela leroborobo mo Iseraele go tswa mo mosong go fitlha nako e e beilweng, mme batho ba le masome a a supang a dikete ba swa go tswa kwa Dene go fitlha kwa Beeresheba. \v 16 Fa moengele a isa seatla sa gagwe ntlheng ya Jerusalema go e senya, Modimo Yahweh a fetola mogopolo wa gagwe ka go bolaya, mme a raya moengele yo o neng a bolaya batho a re, ''Go lekanye! Jaanong busetsa seatla sa gago kwa morago.'' Ka nako eo moengele wa Modimo Yahweh o ne a eme fa seboaneng se phothelang sa ga Arauna wa Mojebusi.