tn_2sa_text_reg/24/13.txt

1 line
555 B
Plaintext

\v 13 Jalo Gate a ya kwa go Dafite mme a mo raya a re, ''A dingwaga tse tharo tsa leuba di tla tla kwa go wena mo lefatsheng la gago? Kgotsa a o tla tshaba lebaka la dikgwedi tse tharo baba ba gago ba go alotse? Kgotsa a go tla nna le matsatsi a mararo a leroborobo mo lefatsheng la gago? Jaanong tsaya tshwetso ya gore ke ise karabo efe kwa go yo o nthomileng.'' \v 14 Foo Dafite a raya Gate a re, ''Ke mo mathateng a magolo. Mma re wele mo diatleng tsa Modimo Yahweh go na le mo seatleng sa motho, gonne ditiro tsa gagwe tsa bopelotlhomogi di dikgolo.''