tn_2sa_text_reg/23/20.txt

1 line
475 B
Plaintext

\v 20 Benaia yo o tswang kwa Kabosili, e ne e le morwa Jehoiata; e ne e le monna yo o thata yo o dirileng dilo tse di thata. O bolaile barwa ba babedi ba ga Ariele wa Moabe. Gape o ne a tsena mo mosimeng a bolaya tau kapoko e santse e na. \v 21 Gape o ne a bolaya monna yo mo tonatona wa Moegepeto. Moegepeto o ne a tshwere segai mo seatleng sa gagwe, mme Benaia a lwa le ene ka thobane fela. A tsaya segai mo seatleng sa Moegepeto, mme a mmolaya ka segai se e leng sa gagwe.