tn_2sa_text_reg/21/20.txt

1 line
559 B
Plaintext

\v 20 Go ne ga diragala gape mo ntweng e nngwe kwa Gathe gore go bo go na le monna mongwe yo o goletseng kwa godimo thata yo o neng a na le menwana e merataro mo seatleng sengwe le sengwe, le menwana e merataro mo lenaong lengwe le le lengwe, menwana e le masome a mabedi le bone fa e balwa yotlhe. Le ene o ne a le kokomane ya Barefaimi. \v 21 Mme e rile fa a rumola Iseraele, Jonathane morwa Shimeya, morwarraa Dafite, a mmolaya. \v 22 Ba e ne e le dikokomane tsa Barefaimi ba Gathe, mme ba ne ba bolaiwa ka seatla sa ga Dafite le seatla sa masole a gagwe.