tn_2sa_text_reg/21/12.txt

1 line
447 B
Plaintext

\v 12 Jalo Dafite a tsamaya a ya go tsaya marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane, morwawe mo banneng ba Jabeshe Gileate, ba ba neng ba a utswitse kwa patlelong ya morafe kwa Bethe Shane, kwa Bafilisitia ba neng ba ba kaleditse teng, morago ga Bafilisitia ba sena go bolaya Saulo kwa Gileboa. \v 13 Dafite a tsaya koo marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane morwawe, mme ba kgobokanya le marapo a banna ba ba supang ba ba neng ba kaleditswe.