tn_2sa_text_reg/21/07.txt

1 line
642 B
Plaintext

\v 7 Mme kgosi a somarela Mefiboshethe morwa Jonathane morwa Saulo, ka lebaka la maikano a Modimo Yahweh gareng ga bone, gareng ga ga Dafite le Jonathane morwa Saulo. \v 8 Mme kgosi a tsaya barwa ba ga Risipha morwadia Aia, barwa ba a ba tsholetseng Saulo - barwa ba babedi ba ne ba bidiwa Aramoni le Mefiboshethe; mme Dafite a tsaya gape barwa ba batlhano ba ga Mikale morwadia Saulo, ba a ba tsholetseng Atiriele morwa Barasilai wa Momeholathi. \v 9 A ba neela mo seatleng sa Bagibeone. Ba ba kaletsa mo thabeng fa pele ga ga Modimo Yahweh, mme ba swa botlhe ka bosupa. Ba ne ba bolawa ka nako ya thobo, ka matsatsi a ntlha a thobo ya bali.