tn_2sa_text_reg/21/02.txt

1 line
488 B
Plaintext

\v 2 Jaanong Bagibeone ba ne ba sa tswe mo bathong ba Iseraele; ba ne ba tswa mo masaleleng a Baamori. Batho ba Iseraele ba ne ba ikanne gore ga ba na go ba bolaya, mme Saulo o ne a leka go ba bolaya botlhe mo tshesegong ya gagwe ka batho ba Iseraele le Juta. \v 3 Jalo kgosi Dafite a bitsa Bagibeone a ba kgobokanya mme a ba raya a re, ''Ke ka le direla eng? Ke ka duela ka eng, gore le tle le segofatse batho ba Modimo Yahweh, ba ba jang boswa jwa bomolemo le ditsholofetso tsa gagwe?''