tn_2sa_text_reg/20/20.txt

1 line
779 B
Plaintext

\v 20 Jalo Joabe a araba mme a re, ''A go nne kgakala, a go nne kgakala le nna gore ke kometse kgotsa ke senye. \v 21 Seo ga se boammaaruri. Mme monna go tswa kwa lefatsheng la dithaba la Iforeimi, yo o bidiwang Sheba morwa Bikiri, o tsholeditse seatla sa gagwe kgatlhanong le kgosi, kgatlhanong le Dafite. Mo nneeleng a le nosi, mme ke tla tloga fa motseng mogolo.'' Mosadi a raya Joabe a re, ''Tlhogo ya gagwe e tla latlhelwa kwa go wena e tlodisiwa lebota.'' \v 22 Foo mosadi a ya kwa bathong botlhe mo botlhaleng jwa gagwe. Ba kgaola tlhogo ya ga Sheba morwa Bikiri, mme ba e latlhela kwa ntle kwa go Joabe. Foo a letsa torompeta, mme banna ba ga Joabe ba tloga mo toropokgolong, monna mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe. Mmme Joabe a boela kwa Jerusalema kwa kgosing.