tn_2sa_text_reg/19/42.txt

1 line
598 B
Plaintext

\v 42 Jalo banna ba Juta ba araba banna ba Iseraele, ''Ke ka lebaka la gore kgosi o lesika le le atamelaneng le rona thata. Ke eng jaanong le tennwe ke se? A re jele sepe se kgosi a tshwanetseng go se duelela? A o re file dimpho dingwe?'' \v 43 Banna ba Iseraele ba araba banna ba Juta, ''Re na le merafe e le lesome e e tsalanang le kgosi, jalo re na le tshwanelo e kgolo mo go Dafite go na le lona. Jaanong ke eng le ne la re nyatsa? A mogopolo wa rona wa go busetsa kgosi ga se one wa ntlha go utlwiwa?'' Mme mafoko a banna ba Juta a ne a nna makgwakgwa thata go feta mafoko a banna ba Iseraele.