tn_2sa_text_reg/19/26.txt

1 line
624 B
Plaintext

\v 26 A araba, ''Mong wa me kgosi, motlhanka wa me o ntsieditse, gonne ke ne ka re, 'Ke tla baya sale mo tonking mme ke tle ke tsamae le kgosi, gonne motlhanka wa gago o segole.' \v 27 Motlhanka wa me Siba, o mpuile maswe, nna motlhanka wa gago, mo go wena mong wa me kgosi. Mme mong wa me kgosi o tshwana le moengele wa Modimo. Jalo he, dira se se siameng mo matlhong a gago. \v 28 Gonne ntlo yotlhe ya ga rre ba ne e le banna ba ba suleng fa pele ga mong wa me kgosi, mme o ne wa baya motlhanka wa gago go nna mongwe wa ba ba jang kwa tafoleng ya gago. Ke santse ke na le tshwanelo efe gape ya go ka lelela kwa go kgosi?''