tn_2sa_text_reg/19/13.txt

1 line
530 B
Plaintext

\v 13 Mme le reye Amasa le re, 'A ga o nama le marapo a me? A Modimo a ntire jalo, a ntire go le gontsi, fa o sa nne molaolasesole wa sesole sa me go tloga jaanong go ya pele mo boemong jwa ga Joabe.''' \v 14 Mme a gogela dipelo tsa banna botlhe ba Juta jaaka ekete ke motho a le mongwe, mo go dirileng gore ba rome mongwe kwa kgosing ba re, ''Boa, wena le banna botlhe ba gago.'' \v 15 Jalo kgosi a boa mme a tla kwa Jorotane. Mme banna ba Juta ba tla kwa Giligala go tla go kopantsha kgosi, go pata kgosi go kgabaganya Jorotane.