tn_2sa_text_reg/19/07.txt

1 line
593 B
Plaintext

\v 7 Jalo he, emelela, o tswele kwa ntle mme o bue ka bopelonomi le masole a gago, gonne ke ikana ka Modimo Yahweh, gore fa o sa ka ke wa tsamaya, ga go na a le mongwe wa banna yo o tla salang le wena bosigo jo. Seo se tla bo se le maswe thata go feta dibetso tse di kileng tsa go diragalela go tswa bonnyeng jwa gago go fitlhelela gompieno.'' \v 8 Jalo kgosi a ema ka dinao mme a ya go nna fa kgorong ya toropokgolo, mme ga bolelelwa banna botlhe, ''Lebang, kgosi o ntse fa kgorong.'' Foo batho botlhe ba tla fa pele ga kgosi. Mme Iseraele ba tshaba, monna mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.