tn_2sa_text_reg/18/28.txt

1 line
624 B
Plaintext

\v 28 Foo Ahimase a bitsa a raya kgosi a re, ''Tsotlhe di siame.'' Mme a obega fa pele ga kgosi sefatlhego sa gagwe se lebile fatshe mme a re, ''Go segofetse Modimo Yahweh, Modimo wa gago, yo o neetseng banna ba ba neng ba tsholeditse letsogo la bone kgatlhanong le monng wa me kgosi.'' \v 29 Foo kgosi a fetola, ''A go siame ka lekau, Abosalomo?'' Ahimase a araba, ''Fa Joabe a ne a nthoma kwa go wena, nna motlhanka wa gago, kgosi, ke ne ka bona kgoberego e kgolo, mme ka se ka ka itse gore ke eng.'' \v 30 Foo kgosi a re, ''Fapogela kwa thoko mme o eme fa.'' Foo Ahimase a fapogela kwa thoko, mme a ema a sa tshikhinyege.