tn_2sa_text_reg/18/21.txt

1 line
597 B
Plaintext

\v 21 Foo Joabe a raya Mokhushi a re, ''Tsamaya, o bolelele kgosi se o se bonyeng.'' Mokhushi a obega fa pele ga ga Joabe, mme a taboga. \v 22 Foo Ahimase morwa Satoko a raya Joabe gape a re, ''Go sa kgathalesege gore go tla diragala eng, tsweetswee mma le nna ke taboge mme ke sale Mokhushi morago.'' Joabe a fetola, ''Ke eng o batla go taboga, morwaaka, jaaka o bona gore ga o na go nna le katso ya dikgang tse?'' \v 23 ''Go sa kgathalesege gore go diragala eng,'' ga bua Ahimase, ''Ke tla taboga.'' Jalo Joabe a mo araba, ''Taboga.'' Foo Ahimase a taboga ka tsela ya leboa, mme a feta Mokhushi.