tn_2sa_text_reg/18/03.txt

1 line
496 B
Plaintext

\v 3 Mme banna ba re, ''Ga o a tshwanela go ya ntweng, gonne fa re tshaba ga ba na go kgathala ka rona, kgotsa fa sephatlo sa palo ya rona se swa ga ba na go kgathala. Mme wena o tlhwatlhwa e e lekanang le rona re le dikete tse di lesome! Jalo he, go botoka o ka ipaakanyetsa go re thusa o tswa motsemogolo.'' \v 4 Jalo kgosi a ba araba, ''Ke tla le direla sepe se se lebegang se gaisa.'' Kgosi a ema fa kgorong ya toropokgolo jaaka sesole sotlhe se tswela kwa ntle ka makgolo le dikete tsa sone.