tn_2sa_text_reg/17/19.txt

1 line
452 B
Plaintext

\v 19 Mosadi wa monna yoo a tsaya se se khurumetsang petse a se ala go khurumetsa molomo wa petse, mme a gasa mabele mo godimo ga sone, jalo ga se ka ga nna ope yo o neng a itse gore Jonathane le Ahimase ba mo teng ga petse. \v 20 Banna ba ga Abosalomo ba tla kwa mosading wa ntlo ba re, ''Ahimase le Jonathane ba kae?'' Mosadi a ba bolelela, ''Ba kgabagantse noka.'' Jalo morago ga go leba fa le fale mme ba sa ba bone, ba boela morago kwa Jerusalema.