tn_2sa_text_reg/17/08.txt

1 line
706 B
Plaintext

\v 8 Hushai a tlatsa, ''O a itse gore rraago le banna ba a nang le bone ke dinatla tsa ntwa, gape ba tletse bogalaka, mme ba tshwana le bera e e utsweditsweng bana mo nageng. Rraago ke monna wa ntwa; ga a na go robala le masole bosigo jo. \v 9 Bona, jaanong jaana gongwe o iphitlhile mo mosimeng kgotsa golo gongwe. Go tla diragala gore fa bangwe ba banna ba gago ba sena go bolawa kwa tshimologong ya tlhaselo, gore ope yo o tla utlwang se o tla re, 'Polao e diragetse gareng ga masole a a salang Abosalomo morago.' \v 10 Foo le masole a a pelokgale go feta, a apelo e tshwanang le ya tau, a tla tshoga gonne Iseraele otlhe o itse gore rraago ke monna wa senatla, le banna ba a nang le bone ba thata tota.