tn_2sa_text_reg/16/01.txt

1 line
615 B
Plaintext

\c 16 \v 1 Fa Dafite a sena go tsamaya sekgala se sekhutshwane mo godimo ga setlhoa sa thaba, Siba, motlhanka wa ga Mefiboshethe a mo kopantsha ka ditonki tse pedi di belesitswe dithoto; mo go tsone e ne e le marotho a le makgolo a mabedi, diako tsa moretlwa wa sekgoa o o omisitsweng di le lekgolo, le dingata tsa mofeige di le lekgolo, le lekuka la mofine. \v 2 Kgosi a raya Siba a re, ''Ke eng o tsisitse dilo tse?'' Siba a fetola, ''Ditonki ke tse di palangwang ke ba ntlo ya ga kgosi, marotho le mofeige ke tse di jewang ke banna ba gago, mme mofine ke wa ope yo o tla utlwang lenyora mo sekakeng gore a nwe.''