tn_2sa_text_reg/15/32.txt

1 line
554 B
Plaintext

\v 32 Ga diragala gore fa Dafite a fitlha kwa godimo ga tsela, kwa Modimo a kileng a bo a obamelwa teng, Hushai wa Moaraki a tla go mo kopantsha a gagotse jase ya gagwe ebile a rwele mmu mo tlhogong. \v 33 Dafite a mo raya a re, ''Fa o ka tsamaya le nna, o tla nna morwalo mo go nna. \v 34 Mme fa o ka boela kwa toropokgolong wa raya Abosalomo wa re, 'Ke tla nna motlhanka wa gago, kgosi jaaka ke ne ke le motlhanka wa ga rraago mo nakong e e fetileng, jalo ke tla nna motlhanka wa gago jaanong,' foo o tla ntlhakatlhakanyetsa kgakololo ya ga Ahithofele.