tn_2sa_text_reg/15/24.txt

1 line
580 B
Plaintext

\v 24 Le Satoko a na le Balefi botlhe, ba rwele letlole la kgolagano la Modimo, ba ne ba le teng. Ba baya letlole fa fatshe, mme Abiathara a ba tlatsa. Ba leta go fitlha batho botlhe ba sena go feta ba tswa mo toropokgolo. \v 25 Kgosi a raya Satoko a re, ''Rwalelang letlole la Modimo le lebusetseng morago kwa toropokgolong. Fa ke ka bona botsalano mo matlhong a Modimo Yahweh, o tla mpusetsa morago kwano a bo a mpontsha letlole gape le lefelo la fa a nnang teng. \v 26 Mme fa a re, 'Ga ke itumele ka wena,' bona, ke fano, a a ntire sepe se se lebegang se le molemo mo go ene.''