tn_2sa_text_reg/15/21.txt

1 line
659 B
Plaintext

\v 21 Mme Itai a araba kgosi a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, gape le jaaka mong wa me kgosi a tshela, ammaaruri gongwe le gongwe kwa mong wa me kgosi a go yang, motlhanka wa gago o tla ya teng, go sa kgthatsege gore go raya go tshela kgotsa go swa.'' \v 22 Jalo Dafite a raya Itai a re, ''Tswelela pele o tsamae le rona.'' Jalo Itai wa Mohite a tsamaya le kgosi, gammogo le banna ba gagwe le malapa a a neng a na le ene. \v 23 Lefatshe lotlhe le ne la lela ka lentswe le le kwa godimo jaaka batho botlhe ba feta ba kgabaganya mokgatsha wa Kitirone, le jaaka kgosi le ene a ne a kgabaganya. Batho botlhe ba ne ba tsamaya mo tseleng e e yang kwa sekakeng.