tn_2sa_text_reg/15/13.txt

1 line
610 B
Plaintext

\v 13 Morongwa a tla kwa go Dafite a re, ''Dipelo tsa banna ba Iseraele di setse Abosalomo morago.'' \v 14 Jalo Dafite a raya batlhanka ba gagwe ba ba neng ba na le ene kwa Jerusalema a re, ''Emang ka dinao mme re sieng, eseng jalo ga go na ope wa rona yo o tla falolang mo go Abosalomo. Baakanyetsang go tswa ka bonako, eseng jalo o tloga a re tshwara ka bonako, mme a tloge a tsise sebetso mo go rona, a bo a tlhasela toropokgolo ka bogale jwa tshaka.'' \v 15 Batlhanka ba kgosi ba raya kgosi ba re, ''Bona , batlhanka ba gago ba ipaakanyeditse go dira sengwe le sengwe se mong wa rona kgosi a se akanyang.''