tn_2sa_text_reg/14/18.txt

1 line
752 B
Plaintext

\v 18 Foo kgosi a araba a raya mosadi a re, ''Tsweetswee o se ka wa mphitlhela sepe sa tse ke tla di go botsang.'' Mosadi a fetola, ''A mong wa me kgosi a bue.'' \v 19 Kgosi a re, ''A seatla sa ga Joabe ga se na le wena mo dilong tsotlhe tse?'' Mosadi a araba mme a re, ''Jaaka o tshela mong wa me kgosi, ga go na ope yoo ka sielang kwa letsogong la moja kgotsa la molema go tswa mo gosepe se mong wa me kgosi a se buileng. Ke motlhanaka wa gago Joabe yo o ntaotseng a bo a mpolelela gore ke bue dilo tse motlhanka wa gago a di buileng tse. \v 20 Motlhanka wa gago Joabe o dirile se go fetola tsela e dilo di diragalang ka yone. Mong wa me o botlhale, jaaka botlhale jwa moengele wa Modimo, mme o itse sengwe le sengwe se se diragalang mo lefatsheng.''