tn_2sa_text_reg/13/18.txt

1 line
379 B
Plaintext

\v 18 Foo motlhanka wa gagwe a mo ntshetsa kwa ntle, mme a lotlela lebati fa morago ga gagwe. Tamare o ne a apere jase e e kgabisitsweng gonne barwadia kgosi ba ba sa robalwang ke banna ba ne ba apara jalo. \v 19 Tamare a baya melora ya leiso mo tlhogong ya gagwe, mme a gagola jase ya gagwe. A rwala mabogo mo tlhogong, mme a tswa a tsamaya, a lelela kwa godimo jaaka a tsamaya.