tn_2sa_text_reg/12/07.txt

1 line
433 B
Plaintext

\v 7 Foo Nathane a raya Tafita a re, ''Monna yoo ke wena! Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele a re, 'Ke go tloditse go nna kgosi mo Iseraele, gape ke go namotse mo seatleng sa ga Saulo. \v 8 Ke go neile ntlo ya mong wa gago, ka bo ka go neela basadi ba mong wa gago mo matsogong a gago. Gape ke go neile ntlo ya Iseraele le ya Juta. Fa e le gore moo go ka bo go nnile go nnye, ke ka bo ke go neile dilo tse dingwe tse dintsi fa godimo.