tn_2sa_text_reg/12/01.txt

1 line
592 B
Plaintext

\c 12 \v 1 Foo Modimo Yahweh a romela Nathane kwa go Tafita. A tla kwa go ene mme a re, ''Ka nako nngwe go ne go na le banna ba babedi mo toropokgolong. Monna mongwe o ne a humile fa yo mongwe a ne a humanegile. \v 2 Monna wa mohumi o ne a na le matsomane a magolo le matlhape, \v 3 mme monna wa mohumanegi o ne a sena sepe ntleng le konyana e namagadi, e a neng a e reka, a e otla a bo a e godisa. E ne ya gola le ene le bana ba gagwe. Konyana e ne e ja le ene e bo e nwa mo senwelong se le sengwe le ene, gape e ne e robala mo matsogong a gagwe, jaak e kare ke ngwana wa gagwe wa mosetsana.