tn_2sa_text_reg/11/09.txt

1 line
597 B
Plaintext

\v 9 Mme Uria a robala kwa lebating la ntlo ya bogosi ya kgosi le batlhanka ba mong wa gagwe, mme a se ka a ya kwa ntlong ya gagwe. \v 10 Fa ba bolelela Tafita, ''Uria ga a a ka a ya kwa ntlong ya gagwe,'' Tafita a raya Uria a re, ''A ga o tswe mo leetong? Ke eng o sa ya kwa ntlong ya gago?'' \v 11 Uria a araba Tafita, ''Letlole, le Iseraele le Juta, ba nna mo ditenteng, mme le mong wa me Joabe le batlhanka ba mong wa me ba kampile mo nageng e e atlhameng. Jaanong ke ka tsena jang mo ntlong ya me ka ja, ka nwa, ka bo ka robalana le mosadi wa me? Fela jaaka o tshela, ga ke na go dira jalo.''