tn_2sa_text_reg/11/06.txt

1 line
439 B
Plaintext

\v 6 Foo Tafita a roma bangwe kwa go Joabe a re, ''Nthomelele Uria wa Mohiti.'' Jalo Joabe a romela Uria kwa go Tafita. \v 7 Fa Uria a goroga, Tafita a mmotsa gore Joabe o tsogile jang, le gore masole ba dira jang, le gore ntwa e tsamaya jang. \v 8 Tafita a raya Uria a re, ''Tsamaya o ye kwa ntlong ya gago, mme o tlhape dinao.'' Jalo Uria a tswa mo ntlong ya bogosi ya kgosi, mme kgosi a romela mpho kwa go Uria morago fa a sena go tswa.