tn_2sa_text_reg/10/06.txt

1 line
601 B
Plaintext

\v 6 Fa batho ba Amone ba bona gore ba fetogile monko wa sebodu mo go Tafita, batho ba Amone ba roma barongwa mme ba hira Baaramo ba Bethe Rehobo le Soba, masole a a tsamayang ka dinao a le dikete tse di masome a mabedi, le kgosi ya Maakha ka banna ba le sekete, le banna ba Tobe ka banna ba le dikete tse di lesome le bobedi. \v 7 Fa Tafita a utlwa ka se, a romela Joabe le sesole sotlhe. \v 8 Baamone ba tswela kwa ntle ba ipaya mo moleng wa ntwa kwa ntle ga dikgoro tsa toropokgolo ya bone, fa Baaramo ba Soba le Rehobo, le banna ba Tobe le Maakha, ba ne ba eme ka bobone mo masimong a a atlhameng.