tn_2sa_text_reg/10/04.txt

1 line
375 B
Plaintext

\v 4 Jalo Hanune a tsaya batlhanka ba ga Tafita, a ba beola sephatlo sa ditedu tsa bone, a gagola diaparo tsa bone go fitlha kwa maragong, a bo a ba romela gae. \v 5 Fa ba tlhalosetsa Tafita se, a roma mongwe gore a kopane le bone, gonne banna ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong. Kgosi a re, ''Nnang fela kwa Jeriko go fitlhelela ditedu tsa lona di gola gape, mme le bo le boa.''